Jump to content

Climate and Development Knowledge Network

Go tswa ko Wikipedia
Revision as of 16:19, 2 Motsheganong 2023 by JudithShe (bua | dineelo) (#africaunion #wangarimaathaiday #climatechange #savetheplanet #sustainability #climateactin #conservation #biodiversity #environment #earthday #climatecrisis #fridaysforfuture #earth #sustainableliving #wikiinafrica)
(diff) ← Older revision | Dipaakanyo tsa sešeng (diff) | Newer revision → (diff)

Tiro ya lekgotla la Climate and Development Knowledge Network (CDKN) ke go tokafatsa boleng jwa matshelo a batho ba ba kobodikhutshwane ebile ba le mo diphatseng tsa go amiwa ke phetogo ya seemo sa loapi. CKDN e dira se ka go kopanya patlisiso, ditirelo tsa bogakolodi le kitso ka go ema nokeng dithulaganyo tse di dirwang di bo di laolwa mo gae. Le bereka ka kgolagano le batsaya ditshwetso mo makalaneng a puso, a a ikemetseng ka nosi le a e seng a puso mo lefatsheng, mo kgaolong le lefatshe ka bophara.[1]

CKDN e eteletswe pele ke lekgotla la SouthSouthNorth [2] kwa Aforika Borwa, ba berekisana le Fundacion Latinoamericano[3] kwa Ecuador, ICLEA kwa borwa jwa Asia[4] kwa lefatsheng la India, le Overseas Development Institute kwa UK.

CKDN e bereka mo Aforika ka bophara, Asia le Latin America le Carribbean, e itebagantse le mafatshe a ferabongwe a go leng botlhokwa go bereka le one, e bong: Kenya, Ethiopia, Bangladesh, Nepal, India, Columbia, Peru le Ecuador.

Aforika

Seemo sa loapi mo isagong ya Aforika

CKDN e bereka ebile i ikgolagantse le lekgotlana la Knowledge Exchange Unit la Future Climate for Africa. Future Climate for Africa (FCFA) e ikaelela go dira maranyane a masha a seemo sa loapi a a itebagantseng le Aforika le go netefatsa gore maranyane a a na le seabe mo tlhabologong ya batho mo kgaolong ya Aforikaka bophara. Maikaelelo a FCFA ke go fokotsa tshenyo le tlhakatlhakano e e bakiwang ke phetogo ya loapi le go sireletsa itsholelo le go fedisa lehuma mo nakong e telele. Ka tsela e, FCFA e ikaelela go aga dikago tse di kgonang go emelela diphetogo tsa loapi tsa seAforika, le go dira mananeo a selegae, a toropo le dipeeletso.[5]

Dithuto tsa phetogo ya loapi tsa borwa jwa Aforika

CKDN e eme nokeng dikolo tsa ithutelo ditiro tse dikgolwane di le supa go tswa mo mafatsheng a le matlhano a a mo borwa jwa Aforika, ka thulaganyo e e eteletsweng pele ke University of Cape Town, go dira dithuto tsa di masters tsa phetogo ya loapi le tlhabologo e e kgonang go itsetsepela, ba direla Southern African Regional Universities Association (SARUA).[6]

Go nonotsha bokgoni jwa tlhabololo e e lepalepanang le seemo sa loapi kwa Rwanda

CKDN e nnile le seabe mo go nonotsheng bokgoni kwa Rwanda ka tiriso ya madi a tikologo le phetogo ya loapi (FONERWA) le e leng lone letlole la phetogo ya loapi le legolo la mofuta o o mo Aforika. Go nonotsha bokgoni mo lefatsheng le mo kgaolong ka go anamisa, go simolola le go diragatsa mananeo a a atlegileng a phetogo ya loapi. tiro e tla thusa go tshegetsa lenaneo la Rwanda la Green Growth & Climate Resilience Strategy le go oketsa tiriso ya carbon e e kwa tlase, le itsholelo e e kgonang go emelelana le phetogo ya loapi mo lefatsheng leo.[7]

Jaaka bontlha bongwe jwa tiro e e tsweletseng kwa Rwanda ka lenaneo la "Building resilience in Rwanda through business collaboration", patlisiso e e boneng thuso ya madi go tswa kwa CKDN e supile fa dikgwebo tse di potlana go bapa le Nyabugogo riverr, Gatsata le mafelo a mangwe a a emang metsi kwa Kigali a ka lebaganwa ke tatlhegelo ka ntlha ya merwalela fa go sa dirwe sepe go baakanya seemo. Patlisiso e e dirilweng e ele bontlha bongwe jwa lenaneo, e lebeletse kafa dikgwebo tse dipotlana di amiwang ke merwalela ka teng,mme ya supa fa mafelo a o a itemogetse tatlhegelo e e akanyediwang e ka nna Rwf178.2 million.[8]

Tona wa Disaster Management and Refuge Affairs, Seraphine Mukantabana, are dipatlisiso tse ke bontlha bongwe jo bo tlhokafalang go tshegetsa tse di dirwang go fokotsa diphatsa le go aga malwapa a a kgonang go emelela dipetso tsa tlholego.

Metswedi

  1. "CDKN - weADAPT". www.weadapt.org. Retrieved 5 March 2019.
  2. "SouthSouthNorth - Towards climate resilience". southsouthnorth.org. Retrieved 5 March 2019.
  3. "Fundación Futuro Latinoamericano - Inicio". www.ffla.net. Retrieved 5 March 2019.
  4. "Home - ICLEI South Asia". southasia.iclei.org. Retrieved 5 March 2019.
  5. "Future Climate For Africa (FCFA) - PreventionWeb.net". www.preventionweb.net. Retrieved 5 March 2019.
  6. A climate change curriculum for Southern Africa, Michelle Paterson, University World News, access date 25 April 2017
  7. "Climate and Development Knowledge Network (CDKN), South South North". southsouthnorth.org. Archived from the original on 2 September 2018. Retrieved 5 March 2019.
  8. Nyabugogo businesses lose Rwf178m to flooding annually, shows survey, The New Times, access date 3 May 2017